John 15

Jesu o itshwantsha le mofine

1“Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rara ke ene mmaakanyi wa tshimo. 2O kgaola kala nngwe le nngwe e e sa ungweng. Mme o ntlafatsa dikala tse di ungwang gore di ungwe thata. 3O setse a bile a lo ntlafaditse ka go lo ntlafaletsa mo go ene gore lo nne le nonofo e kgolo thata le tiriso ka ditaolo tse ke di lo neileng. 4Elang tlhoko gore lo nne mo go nna, le nna ke nne mo go lona. Gonne ga e kake ya re kala e kgaotswe mo mofineng ya ungwa, le lona ga lo kake lwa ungwa kwa ntle ga me.

5“Ee, ke mofine; lona lo dikala. Lefa e le mang yo o nnang mo go nna le nna ke nna mo go ene, o tlaa ungwa loungo lo logolo. Gonne ga go na sepe se lo ka se dirang kwa ntle ga me. 6Fa mongwe a ikgaoganya le nna, o latlhwa jaaka kala e e senang molemo, e omelela, e phuthwa le tse dingwe mme di tshujwe. 7Mme fa lo nna mo go nna lo reetsa ditaolo tsa me, lo ka kopa kopo nngwe fela e lo e ratang, mme lo tlaa e newa! 8Barutwa ba me ba boammaaruri ba ungwa thobo e kgolo thata. Mme go tlisa kgalalelo e kgolo thata mo go Rre.

9“Ke lo ratile fela jaaka Rara a nthatile. Nnang mo loratong lwa me. 10Fa lo inkobela, lo nna mo loratong lwa me, fela jaaka ke reetsa Rara ebile ke nna mo loratong lwa gagwe. 11Ke lo boleletse se gore lo tlale boitumelo jwa me. Ee, senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa. 12Ke batla gore lo ratane fela jaaka ke lo rata. 13Mme lorato lo lekanngwa jaana, lorato lo logolo lo supega fa motho a ntshetsa ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe; 14mme lona lo ditsala tsa me fa lo inkobela. 15Ga ke sa tlhole ke lo bitsa batlhanka gonne mong wa batlhanka ga a ba rerise sepe; lo ditsala tsa me jaanong, gonne go supiwa ke lobaka lwa gore ke lo boleletse sengwe le sengwe se Rara o se mpoleletseng.

Lefatshe le tlaa ila barutwa ba ga Jesu

16“Ga lo a ntlhopha! Ke nna ke lo tlhophileng! Ke lo tlhomile go ya go ntsha maungo a mantle malatsi otlhe, gore le fa e le eng se lo se kopang mo go Rara, lo dirisa leina la me, o tlaa se lo neela. 17Ke batla gore lo ratane.

18“Gonne lo ilwa ke lefatshe thata! Mme nna lefatshe le sale le nkila pele ga lona. 19Lefatshe le ne le ka lo rata fa lo ne lo le ba lone; mme ga lo ba lone, gonne ke lo tlhophetse go tswa mo lefatsheng, mme jalo le a lo ila. 20A lo gakologelwa se ke se lo boleletseng? ‘Motlhanka ga a mogolo mo go mong wa gagwe!’ mme ereka ba mpogisitse, le lona fela jalo ba tlaa lo bogisa. Mme fa ba ka bo ba ne ba ntheetsa, ba ne ba tlaa lo reetsa. 21Batho ba lefatshe ba tlaa lo bogisa gonne lo ba me, gonne ga ba itse Modimo o e leng one o nthomileng.

22“Ba ka bo ba se molato fa nkabo ke sa tla ka buisanya nabo. Mme jaanong ga ba na seipato ka ntlha ya dibe tsa bone. 23Le fa e le mang yo o nkilang, o ila Rara. 24Fa nkabo ke sa dira dikgakgamatso tse dikgolo jaana mo go bone ba ka bo ba sa tsewe ba le molato. Mme jaanong jaaka go ntse, ba bonye dikgakgamatso tse, mme ba re ila rotlhe, Nna le Rara. 25Mo go diragatsa se baporofiti ba se buileng ka ga Mesia ba re, ‘Ba nkidile ke sena molato.’

26“Mme ke tlaa lo romelela Mogomotsi, Mowa O O Boitshepo, motswedi wa boammaaruri jotlhe. O tlaa tswa kwa go Rara mme o tlaa lo bolelela gotlhe ka ga me. 27Mme le lona lo tshwanetse go bolelela mongwe le mongwe ka ga me, gonne lo ntse lo na le nna go tswa kwa tshimologong.”
Copyright information for TsnLEF